BOITLHOPHELO KA GA MOLAOTLHOMO O O TLHABOLOTSWENG WA PHEDISO YA BOIMANA
Jaaka o tlhagisitswe kwa Kokoanopeomolaong ya Bosetšhaba jaaka Molaotlhomo wa karolo ya bo 76; tlhaloso e e khutshwafaditsweng ya Molaotlhomo e e phasaladitsweng mo Kuranteng ya Mmuso No. ya ) ( Temana ya Seesimane ke yona ya semmuso ya Molaotlhomo
TONA YA BOITEKANELO
SE
TLHALOSO KA KAKARETSO:
Mafoko a ditlhaka tse dikima a a mo masakaneng a sekwere a bontsha dintlha tse di tlogetsweng go tswa mo ditaolong tse di leng teng.
 ... Mafoko a a thaletsweng ka mothalo o o kitlaneng a bontsha dintlha tse di tsentsweng mo ditaolong tse di leng teng
MOLAOTLHOMO
Go tlhabolola Boitlhophelo jwa Molao wa Phediso ya Boimana, gore go fetolwe go tswa mo maemong a dibebofatsi ke Tona go atlanegiswa ke Mokhuduthamaga (MEC); go rebola dibebofatsi tse di tlamelang ditirelo tsa pelegiso diura di le 24 mo go boning katlanegiso ya phediso ya ditirelo tsa pelegiso; go tlamela kwadiso ya tshedimosetso le tlhagiso ya dipalopalo; go kgontsha Mokhuduthamaga (MEC) go dira melawana; le go dira tshiamelo ya mabaka a a amanang le tsona.
E TSENNGWE TAOLONG ke Palamente ya Rephaboliki ya Aforika Borwa, jaana:
Tlhabololo ya karolo ya 1 ya Molao 92 wa 1996
Karolo ya 1 ya Boitlhophelo ka ga Phediso ya Molao wa Boimana, 1996
o morago ga mo o itsegeng jaaka Molao o mogolo, o tlhabolotswe ---
a ka go tsenya tlhaloso e e latelang morago ga tlhaloso ya "paka ya boimana":
Tlhogo ya Lefapha" go tewa tlhogo ya lefapha la boitekanelo la porofense"
b ka go tsenya tlhaloso e e latelang morago ga tlhaloso ya "ngaka" :
Mokhuduthamaga' go tewa leloko la Khuduthamaga la porofense yo o rweleng maikarabelo a boitekanelo mo porofenseng eo", le c ka go dirisa tlhaloso e nngwe ya "mmelegisi yo o kwadisitsweng" mo tlhalosong e e latelang:
mooki yo o kwadisitsweng" go tewa motho yo o kwadisitsweng jalo ka fa tlase ga Molao wa Booki, 1978 (Molao No. 50 wa 1978), mme a katisitswe go ya ka Molao o."
Kemelo ya karolo 3 ya Molao 92 wa 1996
Karolo e e latelang e emelwa ke karolo 3 ya Molao o mogolo:
Lefelo le phediso ya boimana e ka diragalang kwa go lone
 Phediso ya boimana e ka dirwa fela kwa lefelong -
a le le kgotsofatsang ditlhokego le maemo a a tlhomamisitsweng ke Mokhuduthamaga ka kitsiso mo Kaseteng; le b le le atlanegisitsweng ke Mokhuduthamaga ka kitsiso mo Kaseteng.
Mokhuduthamaga a ka gogela morago katlanegiso e e neetsweng go ya ka mabaka a karolwana (b)
Lefelo lengwe le lengwe la boitekanelo le le nang le tirelo ya palegiso ya diura di le 24, mme le kgotsofatsa ditlhokego le maemo a a kailweng mo karolwaneng (a), a ka fedisa boimana jwa go fitlha ka le go akaretsa dibeke di le 12 kwa ntlhe ga go tshwanelwa ke go bona tetla go tswa go Mokhuduthamaga.
Mokhuduthamaga o tla re gangwe ka ngwaga a neele Tona dipalopalo tsa mafelo a a rebotsweng mo ngwageng oo.
Ntle le sengwe se se kgatlhanong le Molao o, Tona a ka dira ditiro dingwe le dingwe tse di tshwanetseng go dirwa kgotsa go ka dirwa ke Mokhuduthamaga, fa go le botlhokwa go di dira go fitlhelela maikaelelo mangwe le mangwe a Molao o."
Tlhabololo ya karolo 7 ya Molao 92 wa 1996
Karolo 7 ya Molao o mogolo e tlhabolotswe -
a ka kemisetso mo karolwaneng 3 ka mafoko a a tlang fa pele ga peelo ya mafoko a a latelang:
motho yo o tlhokometseng lefelo le le kailweng mo karolong 3, e tla re mo sebakeng sa kgwedi e le nngwe morago ga phediso ya boimana mo lifelong leo, a kokoanye tshedimosetso e e tlhokegang mme a e romele ka poso e e rejisetarilweng ya sephiri go [Mokaedikakaretso] Tlhogo ya Lefapha" le b kameisetso ya karolwana 4 ya karolwana e e latelang:
[Mokaedikakaretso] Tlhogo ya Lefapha o tla -
a tshola rekhoto ya tshedimosetso e e tlhokegang e a e amogelang go ya ka karolwana ; le b romela Mokaedikakaretso tshedimosetso e e kailweng mo temaneng ya a dikgwedi dingwe le dingwe tse thataro."
Kemisetso ya karolo 8 ya Molao 92 wa 1996
Karolo e e latelang e emiseditswe karolo 8 ya Molao o mogolo:
Tholelo
 [Tona] Mokhuduthamaga, a ka nne a re ka mabaka a a ka a tlhomamisang ka go kwala, a rolela dithata dingwe le dingwe tse di neetsweng [Tona] Mokhuduthamaga ka kgotsa ka tiriso ya Molao o, go [Mokaedikakaretso] Tlhogo ya Lefapha kgotsa motlhankedi mongwe le mongwe yo o direlang Puso, ntle le thata e e kailweng mo karolong ya bo 9.
) Mokaedikakaretso Tlhogo ya Lefapha, a ka nne a re ka mabaka a a ka a tlhomamisang ka go kwala, a rolela dithata dingwe le dingwe tse di neetsweng Mokaedikakaretso Tlhogo ya Lefapha kgotsa motlhankedi mongwe le mongwe yo o direlang Puso, ka kgotsa ka tiriso ya Molao o kgotsa o o roletsweng mo go ene ka fa tlase ga karolwana (i).
[Tona kgotsa Mokaedikakaretso] Mokhuduthamaga kgotsa Tlhogo ya Lefapha ga a kitla a amogiwa dithata dingwe le dingwe tse di roletsweng, le go tlhabolola kgotsa go beelwa kwa thoko tshwetso nngwe le nngwe e e tserweng ke motho yo o diragatsang dithata tsa go nna jalo tse a di neetseng motho yoo."
Kemisetso ya karolo 9 ya Molao 92 wa 1996
Karolo e e latelang e emelwa ke karolo 9 ya Molao o mogolo:
Melawana
[Tona] Mokhuduthamaga a ka nne a re ka ditherisano le Tona, a dira melawana e e amanang le ntlha nngwe le nngwe e a ka boning go le botlhokwa kgotsa mosola go e tlhagisa go fitlhelela maikemisetso a Molao o."
Tlhabololo ya karolo 10 ya Molao 92 wa 1996
Karolo 10 ya Molao o mogolo e tlhabolotswe ka go emelwa ga karolwana ya karolwana e e latelang:
Motho mongwe le mongwe yo o -
a e seng ngaka kgotsa mooki [mmelegisi] yo o kwadisitsweng yo o weditseng katiso ya dikhoso tse di batlegang le yo o dirang tiro ya phediso ya boimana jo bo kailweng mo karolong 21a;
b e seng ngaka le yo o dirang tiro ya phediso ya boimana jo bo kailweng mo karolong 2 1b kgotsa c; [kgotsa]
c thibelang phediso ya boimana semolao kgotsa yo o kgoreletsang phitlhelelo ya lefelo la phediso ya boimana; kgotsa d fedisang boimana kgotsa yo letlang phediso ya boimana kwa lifelong le le sa rebolwang go ya ka karolo 31, o tla bonwa molato wa tlolomolao mme a tshwanele ke go atlholwa faene kgotsa go ya kgolegelong sebaka se se sa feteng dingwaga di le lesome.
Kemisetso ya tlhagiso e e rileng mo Molaong 92 wa 1996
Molao o mogolo o tlhabolotswe ka kemisetso ya tlhagiso "mmelegisi yo o kwadisitsweng", fa e tlhagelelng teng, ya tlhagiso "mooki yo o kwadisitsweng".
Kgabaganyo ya Nakwana
Lefelo lengwe le lengwe le le tlhaotsweng go ya ka karolo 3 ya Molao o mogolo pele ga tshimologo ya Molao o, le tshwanetse go tsewa jaaka le le rebotsweng ke Mokhuduthamaga go ya ka karolo 3 (b) ya Molao o mogolo jaaka e tlhabolotswe ka Molao o.
Setlhogo se Sekhutshwane
Molao o o bidiwa Molao o o Tlhabolotsweng wa Boitlhophelo jwa Phediso ya Boimana, 2003, mme o tsena tirisong ka letlha le le tlhomamisitsweng ke Moporesidente ka kgoeletso mo Kaseteng.
MEMORANTAMO WA MAIKEMISETSO A MOLAOTLHOMO O O
TLHABOLOTSWENG WA BOITLHOPHELO JWA PHEDISO YA BOIMANA, 2003
MAIKEMISETSO A MOLAOTLHOMO
Maikemisetso a Molaotlhomo ke go -
letla baoki ba ba kwadisitsweng, ba ba katisitsweng, go fedisa boimana TOP's, go na le go letla fela babelegisi ba ba kwadisitsweng go dira jalo;
kgaogana le tetla ya Tona wa mafelo a phediso ya boimana e ka dirwang kwa go one, e e leng thulaganyo e telele, le go maatlafatsa Bakhuduthamaga MEC's ba tlhokometseng boitekanelo go dumelela mafelo ao;
letla mafelo otlhe a setšhaba le a poraefete a a nang le tirelo ya palegiso diura di le 24 go fedisa boimana jwa go fitlha ka le go akaretsa dibeke di le 12 kwa ntle ga go batla tetla ya Mokhuduthamaga yo o amegang;
maatlafatsa Mokhuduthamaga yo o amegang go rebola ditlhokego le mabaka a a maleba mo mafelong a phediso ya boimana TOP's e ka dirwang kwa go one tebang le mabaka a tlhomamo, Tona o tshwanetse go atlanegisa melawana pele e ka tsenngwa tirisong;
batlega gore Mokhuduthamaga yo o amegang a golole pegelo ngwaga le ngwaga ka ga mafelo a a rebotsweng ke ena;
dira gore e nne tlolomolao gore motho mongwe le mongwe a fedise boimana e se ka fa molaong kgotsa go letla go fedisiwa ga boimana kwa lifelong le le sa atlanegisiwang go ya ka Molao.
DITENG TSA MOLAOTLHOMO
Karolo 1 e letla go tsenngwa ga ditlhaloso tsa 'Tlhogo ya Lefapha' le 'Mokhuduthamaga', le go emisetsa ga tlhaloso ya 'mmelegisi yo o kwadisitsweng' ka tlhaloso ya 'mooki yo o kwadisitsweng'.
Karolo 2 e letla -
a katlanegiso ya mafelo ke Mokhuduthamaga MEC;
b melawana e e diranang le maemo le ditlhokego tsa mafelo;
c ka lona lebaka leo katlanegiso ya mafelo a a nang le tirelo ya pelegiso ya diura di le 24; le d tlamelo ya dipalopalo tsa katlanegiso ya mafelo.
Karolo 3 e letla go patelesega ga motsamaisi wa lefelo go kokoanya tshedimosetso jaaka e batlega, mme a e romele kwa go Tlhogo ya Lefapha, go sa akaretse leina la mosadi yo o amegang. Tlhogo ya Lefapha o tla patelesega go kwala tshedimosetso e e kailweng fa godimo, mme a tlamele Mokaedikakaretso ka tshedimosetso e dikgwedi dingwe le dingwe tse thataro.
Karolo 4 e amana le tholelo ya ditiro, mme e emisetsa ditlhagiso 'Tona' le 'Mokaedikakaretso' ka ditlhagiso 'Mokhuduthamaga' le 'Tlhogo ya Lefapha', ka tatelano.
Karolo 5 e neela Mokhuduthamaga maatla go dira melawana, e ka ntlha ya mabaka a tlhomamo le go tshwana, e e tla tshwanelang go atlanegisiwa ke Tona pele e ka tsenngwa tirisong.
Karolo 6, mo godimo ga ditlolomolao tse leng teng mo Molaong wa jaanong, e dira gore e nne tlolomolao go letla phediso ya boimana e se ka fa molaong, e ka tswa e le kwa lifelong kgotsa e dirilwe ke motho yo o sa newa dithata ke Molao.
Karolo 8 ke ya kgabaganyo, e e letlang mafelo a a tlhaotsweng go tswelela go dira jaaka e kete a ne a atlanegisitswe go ya ka tlhabololo.
DIPHETOGO MO MOLAONG O O LENG TENG JAANONG
Jaaka go tlhalositswe fa godimo, diphetogo ke di latelang:
Mafelo a tla atlanegisiwa ke Mokhuduthamaga wa porofense e nngwe le e nngwe, mme e seng go tlhaolwa ke Tona.
Melawana ka ga maemo le ditlhokego tsa katlanegiso ke Mokhuduthamaga e tla tlhamiwa ke diporofense. Melawana e tla tshwanela ke go rebolwa ke Tona, go netefatsa tlhomamo.
Mafelo a a nang le tirelo ya pelegiso diura di le 24 ga a kitla a kitla a tlhoka go dira kopo ya thebolo go dira tebang le boimana jwa go fitlha ka le go akaretsa dibeke di le 12 tsa go nna mo mmeleng. Boimana jo bo fetileng dibeke di le 12 ka jalo bo tla fedisiwa fela kwa mafelong a a nang le didiriswa tsa dithulaganyo tsa karo.
Dipalopalo tsa palo ya mafelo a a atlanegisitsweng le dithulaganyo tsa TOP's tse di dirilweng di tla fetisediwa kwa Lefapheng la Boitekanelo la bosetšhaba mo pakeng ya dikgwedi di le 12 le di 6, ka tatelano.
Dipegelo le tshedimosetso go tswa kwa mafelong ga di kitla ditlhola di fetisediwa kwa go Mokaedikakaretso, fela kwa di fetisediwa kwa go Tlhogo ya Lefapha.
Maikarabelo a Tona le Mokaedikakaretso a tla tsewa ke Mokhuduthamaga le Tlhogo ya Lefapha ka go latelana. Le gale, Tona o tla nna le dithata tsa go atlanegisa melawana go diragatsa Molao ka bokgoni.
Lefelo le motsamaisi wa lone le tla bo le tlola molao fa lefelo le dira TOP's mme le sa atlanegisiwa ke Mokhuduthamaga.
TOPs tsa badirisimelemo di tla laolwa ke ditlhokego tebang le dithulaganyo pele ga phitlhelelo ya dithulaganyo tsa karo. Gape go tla nna le dikaelo tsa TOP's tsa badirisimelemo.
DITHERISANO
Dintlha tsa dimametlelelo tse di tlhagisitsweng di ne tsa phasaladiwa mo Kuranteng ya Mmuso gore setšhaba se tshwaele. Ka ntlha ya gore dimametlelelo di sa ame go suta mo pholesing e kgolo, Lefapha le ne la tlhokomela fela ditshwaelo tse le di amogetseng.
MABAKA A DITŠHELETE A A AMANG PUSO
Ntle le dikoketsego tse di solofetsweng tsa dikopo tsa TOP's, tse di tla lebisang kwa koketsegong tse dinnye tsa ditekanyetsokabo tsa maokelo, ga go a solofelwa mabaka a magolo a ditšhelete. Ditshenyegelo tse di amegang di tshwanetse go tlhokomelwa ke ditekanyetsokabo tse di neelwang mafelo ka kakaretso.
THULAGANYO YA PALAMENTE
Moeletsi Semolao wa Puso le Lefapha la Boitekanelo ba na le mogopolo wa gore Molaotlhomo o, o tshwanetse go tlhokomelwa go ya ka thulaganyo e e tlhagisitsweng mo karolong 76 kgotsa ya Molaotheo, ka ntlha ya gore e wela mo maikarabelong a a kwadilweng mo Mametlelelong ya 4 ya Molaotheo, ebong "Ditirelo tsa Boitekanelo".
